Welcome to Setswana.co.za
Poetry/Dipoko
Batlhaping boo RraMaidi
Re tota re le Batlhaping,
Batlhaping ba oorraMaidi,
Re Batlhaping ba kgotla ya oorraMaidi,
Re tlogola kgotleng ya oorraMankurwane.
Re bana ba ga Maidi-a-kgatsele,
Ba go tlhapa ka lobese,
Ba iphorola ka tlhoa metsi a le teng.
Ga re Batlhaping ba ntete foo,
Re nkgisana tshika le ba kgotla ya oorraMankurwane,
Re bana ba ga Mothibi le Maidi,
Beng ba noka e tshetlha.
Re batho ba go itimola mogote seka tlhapi,
Sekatlhapi e biloga metsing le re tserr!
Re Batlhaping ba ba mabela
Re itse o se re utlwele mebileng,
Ga re je tlhapi ga re majatlhapi,
Re ana tlhapi re Batlhaping
Sejatlhapi re se peteketsa jaaka majatlhapi.