Welcome to Setswana.co.za

Poetry/Dipoko

Leboko La Bangwato


Kwa Serowe ka kwa Phalatšwe,
Rraboijane le Mosamo ba a itsiwe,
Ka ba bokile dikgosi tsa Baphoting,
Ba bokile banna boKgama le Kgamane.
Ba bokile banna bo, Tshekedi, Maletamotse,

Ba boka Rrasebolai, ntšwa-ya-go-latlhwa.
Bao ke ba ga Mmangwato ba ga Mabiletsa,
Kana ba kile ba biletsa Sekgoma ntwa,
O rile ka a se boi ngwana wa ga Kgama,
E rile bo o sa a e ba biletsa.