Welcome to Setswana.co.za

Poetry/Dipoko

Leboko La Bakwena


Dikolobe tsa ga Mheta a Mogale
Tse di tlhabang ntšwa di hulere
Ijane jwa ga kwetla, selemo bo jang
A bo bo tla ja theko ja rumo ja bone!
Maganana, mankga nama
Mankga nama di mafura
Tshoswane tsa go loma botlhoko lesonya

Tse di lomileng Kabane a kakabala
Motlhakola o montsho
Wa ga Mmaseadingwana sa marumo
Makgakga a mantsho
A Mmaseote sa naga
Ba ba suleng ba se na molai
Ba bile ba se na tsebe ya go utlwa
Ke batho ba ga sebolaya kgosi